PASS Setswana - Kaedi e e humile ka dintlhakgolo tsa Kharikhulamo ya Bosetšhaba go go tataisa fa o ipaakanyetsa ditlhatlhobo tsa marematlou go tloga kwa tshimologong ya ngwaga. Kaedi e, e akaretsa: Diteng tse di botlhokwa, dikao tsa dipotso le maele a go mekamekana le dipotso tse di gwetlhang tlhaloganyo gore o akanye ka tsenelelo, maele a go kwala ditlhangwa tsa boitlhamedi le tsa tirisano, dithekeniki tsa go buisa, temogo ya tirisopuo e e tseneletseng, maele ka ga tshekatsheko ya dikwalo, dikao tsa dipampiri tsa tlhatlhobo. O bone didiriswa tsotlhe tsa puo, di ithute o kgone go atlega.