Di Tibang ka Tlhogo Petseng ga di na Boyo

CTTlhoaele

PDF

Fa motho a itse petse, o tla itse gore ga se lefelo le go tshamekelwang gaufi le lona. Padi e e ntse jalo. E boteng jaaka petse, mme e tlhoka gore mmadi wa yona a e buise a bofile ditlhako sentle. E ka kgobera maikutlo a mmadi kwa botennyeng le go mo gwetlha go ipona le go ipatlisisa mo go yona. E ka nna segakolodi mo bathong ka kakaretso. Lerato le lentle; le monate; le bile le a ratega. Fela fa o sa nne tsebentlha, wa itota, le tle le nne diphatsa, le tsenye motho mo dipharagobeng. Ngwana wa mosetsana o na le go butswetsa moratano pele ga wa mosimane. Go fitlhelwe e re fa a di fatlhogela, a bonwe a ithuta pele ka basimane ba bagolo mo go ena mme moragonyana a boe a je mokaragana le dithaka tsa gagwe. Go tle go bonwe monnamogolo a taboga le magammana, go bo go twe ga a na maitseo. Go lebalwe gore mo botshelong, monna o a tle a nyale mosadi a fetwa ke gofejane wa gagwe ka dingwaga. Ga se botlhokatsebe kana maitsholo; ke botshelo, bo ntse jalo. Re a bo re retelwlwa ke go bo tlhaloganya. Mmadi, ke go laletsa go buisa padi e ka kelotlhoko, mme o ithute sengwe mo go yona

R 69.95 LICENCE: 365 DAYS ONLY
9781928298038
10.05 mb
Setswana
2016-10-11
First League Trading
1
365
3
Unauthorised downloading, copying, distribution or exploitation of this content is an infringement of intellectual property rights and may be a criminal offence. Your purchase and download of this content is for your personal use, and you agree not to modify, copy, or share it with any other person.